BAOKI BA KETEKA NYALO FA BALWETSI BA BUSEDIWA GAE
DITHAKONG - Baagi ba kwa motseng wa Dithakong kwa kgaolong ya Kuruman, ko porofenseng ya Northern Cape, ba lela ka thebolo e bokoa ya ditirelo kwa bookelopotlana jwa Dithakong.
Baagi ba ngongorega ka gore, baoki ba bookelopotlana joo, ga ba tseye balwetsi tsia ebile ba gataka ditshwanelo tsa balwetsi.
Mongwe wa baagi ba koo, are o ne a swabile thata ka se se mo diragaletseng ka Laboraro 03 Phukwi 2024, fa a ne a isitse wa losika go ya go itoka le go tsaya meriana ya gagwe ya gale.
O boleletse MORONGWA gore, ba ne ba leta lobaka lo lo leele mo ebileng, bangwe ba balwetsi ba ile ba itlhoboga mme ba boela malapeng.
Morago ga go leta sebaka sa diura di le mmalwa, bane ba utlwa meduduetso le megolokwane go tswa ka fa baoki ba neng ba kopanetse gone. Fa baoki ba tswa, ke fa ba ba shwaitlha fela ba kaya fa ele nako ya dijo tsa motshegare.
Mongwe wa baagi o ile a tsaya setshwantsho sa motsikinyego se mo go sone, o neng a kopa thuso mme mooki a mo raya gore, eseng ka nako ya gagwe ya dijo tsa motshegare.
Le fa gone, molwetsi a ne a ikopela thuso, mooki o ne a gana go mo thusa.
Molwetsi yo mongwe o ne a bolelela MORONGWA gore, go matsapa thata go bona thuso kwa bookelopotlana jwa Dithakong. O tsweletse ka go bolelela gore, baoki le badiri, ba ne ba itumeletse mongwe wa badiri yo o neng a satswa go tsena mo nyalong.
MORONGWA o ikgolagantse le lefapha la pholo kwa Northern Cape go bona dikarabo mme le ga jaana re santse re letile karabo go tswa go lefapha.
Bongane Gregory Shebi's bail application
The community is eagerly anticipating the outcome of the bail hearing for murder suspect Bongane Shebi on Tuesday. Thami Moremi, one of the members who attended the bail hearing, spoke with π π’π₯π’π‘ππͺπ outside the court and expressed their strong opposition to Shebi being granted bail. Their singing immediately after the adjournment showed a sense of oneness and support for the victim, her family, friends and colleagues.
πππ π§πππ’ππ’ π πππππ’ π¬π π‘πππ
Melelo e tsweletse go lakaila mo dikarolong tsa bophirima jwa Mamusa, go akaretsa gaufi le motsana wa Amalia le tsela ya R34 e e lebileng kwa Vryburg.
π π’π₯π’π‘ππͺπ o romeletswe ditshwantsho, go akaretsa sa motsikinyego, tse di supang fa molelo o tuka gaufi le magae a Amalia.
Mesi e e tletseng mo thoko ga tsela e ka fokotsa pono ya bakgweetsi le batsamaya ka dinao, ka jalo ba rotloediwa go nna kelotlhoko fa ba le mo tseleng.
Go ya ka pego, melelo eo fa esale e runya ka Lamatlhatso, 02 Lwetse 2023.
π ππ‘ π§π’ π₯ππ πππ‘ πππππ‘π πππ₯π¦ ππ’π₯ ππ¦π¦ππ¨ππ§ππ‘π πππ¦ πππ₯πππ₯πππ‘π
π©π₯π¬ππ¨π₯π - A 39-year-old man appeared before the Vryburg Magistrate's court on Monday, 14 August 2023, for assaulting his girlfriend.
In a video that is currently circulating on the internet, the man can be seen assaulting a woman (33), kicking and punching her in a shop at a petrol station in Vryburg.
Police spokesperson for Dr Ruth Segomotsi Mompati Warrant Officer Tryphosa van Rooyen told π π’π₯π’π‘ππͺπ that the incident happened on Sunday, 13 August 2023.
The suspect, Poloko Sekgopi, was arrested and appeared in court on Monday. He will remain behind bars until his next court appearance on Friday, 18 August 2023, for formal bail application.
πͺππ₯π‘ππ‘π: the following content might offend sensitive viewers.
Morongwa received information and a video of what looks like fire coming from a transformer.
This is in Ipelegeng, Extension 5 on Kgaka street just near Bertins' residence.
River North Carriers truck has caught fire on the R506 road, towards Schweizer Reneke.
Motorists are assisting the driver to put out the fire.
It is unclear what could have caused blaze.
"Maape o robetse, he's sleeping on duty" - Mmoloki Cwaile