Ratlou Daily News Feed

Ratlou Daily News Feed Events coverage

Dikgang tsa loago la mmasepala wa selegae wa Ratlou ,Tswaing le sedika sa Ngaka Modiri Molema, re tsenyeleditse le dikgang tsa porofense ya North West go akaretsa naga ya Aforika Borwa.

24/01/2025

KITSISO!!!

Boo Rra Marumo kwa motseng wa Deelpan ,bao ba kopileng gole gale gompieno mo mosong ,go ka batlisiwa ngwana wa bona yo o timetseng maabane ,ba kaya fa ba mmone kwa motseng wa Witpan ya boraro gompieno ,ba leboga go menagane tsibogo ya baagi.


Goeletsa Moagi Re Lentswe La Gago!!!

THUSO E POTLAKILENG!!!Baagi ba Deelpan le metse e mabapi ,bo Rra Marumo ko Deelpan ko kgaolong ya Merakeng mo mmasepalen...
24/01/2025

THUSO E POTLAKILENG!!!

Baagi ba Deelpan le metse e mabapi ,bo Rra Marumo ko Deelpan ko kgaolong ya Merakeng mo mmasepaleng wa selegae wa Tswaing ,ba kopa go batlisiwa ngwana wa bona eleng Bakang Marumo.

Go begwa fa ngwana a sale a tsamaile maabane mme ese selo se ba se tlwaetseng ,ngwana o begwa a sa itekanela sentle mo tlhaloganyong, yo o katswang a mmone kgotsa a na le tshedimosetso e e maleba, o kopiwa go leletsa dinomoro tseno tsa mogala 0713749169.


Goeletsa Moagi Re lentswe la gago!!!

22/01/2025
15/01/2025

Madibogo Secondary this morning🥺

08/01/2025

MONNA O BOLAILWE!!!

Madibogo: Sepodise sa Aforika Borwa mono Madibogo se totobatsa fa se batlisisa kgetsi ya polao. Seno se latela morago ga gore Sepodise se biletswe kwa kgaolong ya Morolong mono Madibogo mo di ureng tsa mesong ka Mosupologo fa Ferikgong a ne a tlhola matsatsi a le Marataro.

Kgabagare mo kgorogong ya Sepodise kwa kgaolong eno, Sepodise se fitlhetse setopo sa monna wa dingwaga dile masome a mabedi tlhano sena le dintho dile mmalwa tsa go tlhabiwa se rapaletse mofatshe. Ba Ratlou Emergency Medical Rescue Service ba ne ba totobatsa fa monna yono a tlhokafaletse mo lefelong la tiragalo.

Re sa le fo o go santse go sa itsewe sebakwa se se lebisitseng kwa go bolaweng gwa monna yono fela dipatlisiso tsa sepodise di a tswelela.

NB: Ntlha eno e a tswelela.


North West Department of Community Safety and Transport Management e tsibosa bakgweetsi ba ba dirisang tsela ya Nl4 maga...
01/01/2025

North West Department of Community Safety and Transport Management e tsibosa bakgweetsi ba ba dirisang tsela ya Nl4 magareng ga Delareyville le Vryburg gonna kelotlhoko fa ba kgweetsa mo tseleng eno ka ntateng ya bophadiphadi jwa metsi jo bo motseleng bogolosegolo ka fa ntlenyana ga toropo ya Delareyville.


01/01/2025

Big shout-out to my newest top fans! Rre Gontse, Lesego Zakes Morebudi, Joe Motlhaping, Tsholo Felow Lekgari, Itemogeng Kerapelang, Tshepi Daly, Lizzy Kopore, Modisa M'du Kgwele, Oratile Onthatile Oreratile, Buti Reconcile Motjale, Thabang Gadiiphi, Refilwe Precious Maine, Victor Phokompe, Nonong Lenah, Simangaliso Dediva, Tshidiso Mogatlanyane, Nurses Mase, Christina Nana, Tshidi Makekeng, Zakhady Last Born Masisi, Orulagantse Pop's Dinku-Sethaelo, Mbuqe S Boitshoko, Kingston P**e Gasetswane

31/12/2024

LEKAU LE BOLAILE LEKGAREBE!!!

Setlagole: Sepodise sa Aforika Borwa kwa seteisheneng sa Sepodise sa Setlagole, se totobaditse tiragalo e e diragetseng kwa karolong ya Lokaleng kwa motseng wa Setlagole e e diragetseng fa Sedimonthole a ne a tlhola matsatsi a le masome a mabedi robedi monongwaga fa nako ene ele metsotso ele masome a mabedi pedi morago ga ura ya lesome nngwe bosigo.

Go begwa fa sepodise sene sa biletswa kwa lefelong la tiragalo, kwa gone se fitlhileng sa bontshiwa setopo sa mosadi se goneng gwa totobadiwa ke mongwe wa losika fa ele sa ga Keutlwileng Precious Moilwa wa dingwaga dile masome a mabedi robongwe. Sepodise se tlhalosa fa setopo seno se seneng se le matsadi ebile sena le ntho mo phatlheng se fitlhetswe se pegilwe mogodimo ga kiribane.

Kgabagare dipaki di ne tsa supa mmelaelwa yo oneng a tshwarwa ka gangwe kwa lefelong la tiragalo. Go ya ka pego ya sepodise, mmelaelwa o ne a tsosa mongwe wa losika le go mo lotlegela ka boripana gore ntse a lwa le lekgarebe la gagwe mme o le isitse ga maotwana hunyela.

Re sa le fo o mmelaelwa eleng Ditiro Dira o ne a tlhageletse fa pele ga magiseterata wa kgotlha-tshekelo ya Atamelang lwantlha ka Mosupologo fa Sedimonthole a ne a tlhola matsatsi a le masome a mararo, mme o tla boa a tlhagelela gape fa pele ga kgotlha-tshekelo eno fa Ferikgong a tla be a tlhola matsatsi a le marataro ka kete pedi masome a mabedi tlhano.


20/12/2024

NTWA E BOLOTSE KWA RATLOU!!!

Setlagole: Dikantoro tsa mmasepala wa selegae wa Ratlou kwa motseng wa Setlagole mono porofenseng ya Bokone Bophirima dine di fetogile serala sa ditiragalo ka Laboraro fa Sedimonthole a ne a tlhola matsatsi a le lesome robedi.

Goya ka pegelo ya semmuso go tswa kwa kantorong ya sebueledi sa mmasepala ono Rre Lesego Metsi, majoro wa mmasepala eleng Matlhomola Jafta o kgadile ka bogale tiragalo e mo go yone rra matlotlo wa maloba wa mmasepala yo o beleseditsweng eleng Tumelo Letlojane le mmueledi wa gagwe wa semolao Katlego Moribe wa Moribe Attorneys baneng ba goroga kwa dikantorong tsa mmasepala le go baka meruso e mo go yone baneng ba batla gore Letlojane a busediwe mo tirong ka gangwe. Metsi a re Moribe o ne a laela Letlojane go tsena mo kantorong ya gagwe ya pele le go tswelela ka tiro ya gagwe ya letsatsi.

Kgabagare Metsi gone gona le mongwe wa boraro yo oneng a tsamaya le bobedi jono mme ene a tsweletse ka kgatiso ya video. Metsi a re motsamaise wa mmasepala eleng Lloyd Leoko o ne a bidiwa go tla go tsereganya mo morerong o no mme ene o ne a bitsa batlhankela ba tshireletsego le bo balaela go ntsha boraro jono mo kantorong le go ba ntsha gotlhelele ka dikantoro tsa mmasepala. Metsi o tsweletse ka gore khansele ya mmasepala ene ya tsaya tshwetso ya go belesetsa Letlojane yo oneng a sekegilwe ka nako eo kwa kopanong e eneng e tshwerwe fa Ngwanatsele a ne a tlhola matsatsi a le Masome a mabedi robedi monongwaga. Metsi a r tshwetso e no e tserwe morago ga gore go seka sekwe pegelo e e tlhagisitsweng ke botsamaisi jwa mmasepala fa pele ga khansele ya maitsholo a a sa amogelesegeng a ga Letlojane a tsamaiso ya matlole.

Re sa le fo o Tumelo Letlojane le mmueledi wa gagwe Katlego Moribe fa ba ne ba tsibogela ditatofatso tseno, ba tlhalositsa fa motsamaise wa mmasepala a digela baagi ba Ratlou ka lengope ebile go sena boammaruri nope fela mo go se a se buang. Letlojane le Moribe ba ganeditse dipego tsa gore gone le tokomane e e supang tshwetso e e tseilweng ke khansele fa Ngwanatsele a ne a tlhola matsatsi a le masome a mabedi robedi e e began go khutlhisiwa ga konteraka ya ga Letlojane. Ba tsweletse ka gore tokomane e no e e saenilweng ke mmusakgotla ya mmasepala eleng Mme Leepo ke ya botsukunape mme ga ese tumelano ya tshwetso ya khansele.
Moribe o ganeditse gore lenaane tema la kopano eno ya Ngwanatsele a ne a tlhola matsatsi a le masome a mabedi robedi e ne e sena tema ya go tshotlhatshotlha morero wa go belesediwa gwa ga Letlojane. Moribe o tsweletse ka gore ntwakgolo fano le gore, Letlojane o ne a ntsha ba le bantsi dijo ganong fa a ne a nna kgatlhanong le go abiwa gwa diporojeke ka tsela e eseng maleba.
Letlojane o ipelaeditse gore ka gore motsamaise wa mmasepala ga ana thata ya go belesetsa batsamaise bagolo ba mmasepala ntle le taelo ya khansele go ya ka molao.
Letlojane le Moribe ba ganeditse ditatofatso tsa gore ba bakile meruso kwa dikantorong tsa mmasepala mme ba nganga ka la gore ba ne ba tsibogela maitsholo a a sa amogeleseng a ga Leoko kgatlhanong le bone, a a bakileng tlhatlharuane morago ga go tlholega go araba dipotso tsa ga Moribe.
Letlojane o tlhatlhetse kgetsi kwa kgotlha-tshekelo kgolo ya Bokone Bophirima a ipelaetsa kgatlhanong le go thapiwa ka mokgwa yo o seng maleba wa ga Leoko jaaka motsamaise wa mmasepala.

NB: NTLHA ENO E YA TSWELELA


MONNA O TSHWERE KA DITLHOBOLO LE MATLHATLHELA.NORTH WEST :Josephus Johannes Muller wa dingwaga dile masome a mane le bot...
13/12/2024

MONNA O TSHWERE KA DITLHOBOLO LE MATLHATLHELA.

NORTH WEST :Josephus Johannes Muller wa dingwaga dile masome a mane le botlhano ,o tshwerwe go sale gale beke eno ka labobedi mo di ureng tsa mo mosong kwa polasing nngwe kwa Nooitgedatcht kwa tiikologong ya Delareyville mono North West.

Go tshwarwa ga monna yono ,gotla morago ga go salwa morago tshedimosetso eo e amogetsweng ke bo rra matlhale ba bosenyi ba kwa Pudumoe (Pudumoe Crime Intelligence) ka ga monna yo o belaelwang a tshwerwe ditlhobolo tseo di seng mo molaong ,re sale foo ,go salwa morago ga tshedimosetso eno ke sepodise sa K9 sa Lichtenburg go akaretsa Mahikeng Flying Squad morago ga go bona lekwalo la go phuruphutsha ,ka motsi wa phuruphutsho ,ba fitlhetse di rifle dile tlhano ,ditlhobolo tse dingwe dile pedi go akaretsa matlhatlhela ale masome a robedi le boraro (83).

Mmelaelwa one a tshwarwa ka gangwe.


Goeletsa Moagi-Re lentswe la gago!!!

BABELAELWA BA BUSEDIWA MO DISELENG.Madibogo: Jacobus Venter wa dingwaga dile masome a mabedi robedi le Isaac Matebele wa...
13/12/2024

BABELAELWA BA BUSEDIWA MO DISELENG.

Madibogo: Jacobus Venter wa dingwaga dile masome a mabedi robedi le Isaac Matebele wa dingwaga dile masome a mane nne ba buseditswe mo diseleng tsa sepodise morago ga go tlhagelela kwa kgotlha-tshekelo ya magiseterata wa Vryburg ka labone Sedimonthole a tlhola matsatsi a le lesome le bobedi ka tatofatso ya go tshwarwa ka thoto ya bogodu, mme ba solofetswe go rotola gape matlho mosong mo pele ga magiseterata wa kgotlha-tshekelo eo.

Babelaelwa ba tlhageletse fa pele ga kgotlha-tshekelo morago ga go tshwarawa ka Laboraro, Sedimonthole a tlhola matsatsi a le lesome nngwe kwa Stella gaufi le Vryburg. Dipego tsa sepodise di tlhalosa fa Venter a leleditse sepodise mogala go se itsese fa a le mo bothateng mme a le motseleng a lebile Stella. Sepodise sene sa lemoga mo kgorogong ya bobedi jono jo boneng bo tsamaya ka sejanaga se seneng se goga kolotsana gore e eneng e pegile dikgomo di le robongwe gore ba setswe morago ke setlhopha sa batho ba le masome a matlhano ba baneng ba tsamaya ka dijanaga tse di farologaneng mme ebile ba latofatsa bobedi jono ka bogodu ka bogodu jwa leruo.

Morago ga kgakgautano magareng ga sepodise le setlhopha seno sa baruakgomo, sepodise sa Stella sene sa bitsa sepodise sa bogodu jwa leruo le sepodise sa dikhuduego, se seneng sa phatlhalatsa setlhopha seno sa batho morago ga go leka go tlhosetsa sejanaga sa ba belaelwa ka molelo.

Dipatlisitso di bontsha fa babelaelwa ba utswile dikgomo kwa Ramabesa le Setlagole magareng ga fa Ngwanatsele a ne a tlhola matsatsi a le masome a le mabedi le fa Sedimonthole a ne a tlhola matsatsi a le mane tse dineng tsa rekisiwa kwa Ottosadal

Dipatlisiso di a tswelela.



#

SETLHOPHA SA SELEGAE KE BO NTLHOPHENG BA DI SATMAMadibogo: Rata sa gaeno mme o se tlhoe sa ope, a no ke mafoko a a diris...
27/11/2024

SETLHOPHA SA SELEGAE KE BO NTLHOPHENG BA DI SATMA

Madibogo: Rata sa gaeno mme o se tlhoe sa ope, a no ke mafoko a a dirisitswe ke motsaimase wa setlhopa sa mmmino wa setso sa Letlhakane Cultural Group Bonolo Kemorwe.

Setlhopha seno se dibini tsa sona eleng bana ba dingwaga di le gare ga lesome le lesome robedi ebile ele barutwana se tlhamilwe ka ngwaga wa kete pedi masome a mabedi pedi kwa karolong ya Motsitlane mono Madibogo mo mmasepaleng wa selegae wa Ratlou ka fa tlase ga botsamaise jwa ga Bonolo Kemorwe, ka maikaelelo a go ribolola talente ya dibini le badiragatsi ba mmino wa setso, go godisa ngwao ya Setswana, go ruta baswa go somarela ngwao ya bona, go lemosa batho gore gona le tswelopele mo mminong wa Setswana fela jaaka gona le tswelopele mo mefuteng e e farologaneng ya mmino go ralala lefatshe le go godisa mmino wa setso wa Setswana gore o se nyelele.

Kgabagare mo sebakeng fela sa dingwaga dile nne Setlhopha seno se tlhamilwe le go golola album e e bitswang "Khoba" e e nang le dipina dile thataro, Letlhakane Cultural Group ba iphitlhela ele bo ntlhopeng ba dikabo tsa "SATMA" tsa ngwaga wa kete pedi masome a mabedi nne mo khatekoring ya "Best Setswana Group". Bonolo Kemorwe a re mmino wa bone o ka fitlhelwa mo maraanyaneng a boitapoloso a a farologaneng a akaretsa "YouTube, Facebook, Spotify le TikTok"

Re sa le fo o Kemorwe a re seno ke phitlhelelo e kgolo mo go bone jaaka Setlhopha, ebile o solofela fa seno se tla ba bulela ditshono tse dingwe dile mmalwa. kemorwe o tsweletse kangore tirisano mmogo le maikemisetso a maloko a Setlhopha a tshamekile karolo e kgolo thata mo go tsweleleng ga Setlhopha seno.

Fa o batla go ikgolaganya le Letlhakane Cultural Group o ka ba fitlhela mo 0837539619 kgotsa [email protected]


08/11/2024

Tsa sesheng!!!

Barutwana bale babedi gotswa kwa sekolong se se potlana sa R B Dithupe kwa Lehurutshe kwa ntlenyana ga Zeerust mono North West ba amogetswe kwa bookelong ba Lehurutshe.

Seno se latela morago ga gore go dumelwe fa barutwana bano ,ba nnile le letlhatso ka laboraro wa beke eno morago ga go ja di popcorn tseo ba di rekileng kwa lebenkele-potlaneng la sekolo, go begwa fa barutwana ,ba ile ba bontsha matswao a di "kremp" mo mpeng(stomach cramps) go akaretsa letsapa leo le tseneletseng (Excessive Fatigue).

Lefapha la thuto mo porofenseng ,le totobaditse go amogelwa ga barutwana bano kwa bookelong mme letla rebola pegelo ya dintlha ka botlalo.


Goeletsa Moagi-Re lentswe la gago!!

Klerksdorp - Tshepong HospitalHELP US TO TRACE THE FAMILY OF MR EMMANUEL KOMENE Klerksdorp/Tshepong Hospital Management ...
05/11/2024

Klerksdorp - Tshepong Hospital

HELP US TO TRACE THE FAMILY OF MR EMMANUEL KOMENE

Klerksdorp/Tshepong Hospital Management is requesting assistance in tracing the families of Mr Emmanuel Komene. He is admitted in ward 6 at Tshepong Hospital.

Mr Komene claims that he is from Mafikeng EXT 17, community members who might have information that will assist us to link Mr Komene with his family are requested to contact Tshepong Hospital ward 6 on 018 3349 3194/ 3195 Your assistance in this regard will be highly appreciated.


Goeletsa Moagi-Re lentswe la gago!!!

PAAKANYO YA KGAOGO YA MOTLAKASE.MADIBOGO:Morago ga go tlhoka motlakase sebaka sa malatsi ale lesome le bongwe ,baagi ba ...
31/10/2024

PAAKANYO YA KGAOGO YA MOTLAKASE.

MADIBOGO:Morago ga go tlhoka motlakase sebaka sa malatsi ale lesome le bongwe ,baagi ba Lichtenburg ko mmasepaleng wa selegae wa Ditsobotla mono North West ,ba bowa ba nna le tshepo go ka bona gape motlakase go latela gore serori sa Eskom se tsene ka tikologo eo se rwele didiriswa tsa go ka baakanya.

Eskom ka tshwaragano le mmasepaleng wa selegae wa Ditsobotla ,ba totobatsa fa phanele ya transfomara e gorogile kwa seteishene-potlana sa Boikhutso go ka thankgolola letsholo-paakanyo ele go ka baakanya seteishene-potlana seo, bobedi bono, bare ba dumela fa mathata ano ago ka tlhaela motlakase ga baagi sebaka sa malatsi ale lesome le bongwe a tla rarabololwa.

Mmasepala ,o totobaletsa baagi fa motlakase o tla bowa ka gangwe fa dipaakanyo di fetsa go konosediwa ,o amile gape go ikokobetsa malebana le matsapa ao a lerilweng ke kgaogo eno ya motlakase.


Goeletsa Moagi-Re lentswe la gago !!!

🔴 CAUTION 🔴Between Ottosdal and Delareyville, just before NWK RostratavillePhotocred: Kagiso Trinity Mangwejane Goeletsa...
28/10/2024

🔴 CAUTION 🔴
Between Ottosdal and Delareyville, just before NWK Rostrataville

Photocred: Kagiso Trinity Mangwejane


Goeletsa Moagi-Re lentswe la gago!!!

26/10/2024

Big shout-out to my newest top fans! Maleshane Marriam, FloYd Sebego, Nurses Mase, Girlagain Kgori Kedumetse, Rre Gontse, Onathatile Vicky Tlharipe, Lesego Zakes Morebudi, Thabo Makgwana, Joe Motlhaping, Katlego Sello, Tsholo Felow Lekgari, Solofelang Mothibi Monchusi, Lerato Mpini Eveline, Itemogeng Kerapelang, Mamsy Molaotsi Molehe, M'pilow Bhaka Jujunation, Torres Kgosietsile Selebiso II, Letta Lemme, Buti Reconcile Motjale, Thabang Gadiiphi, Refilwe Precious Maine, Victor Phokompe, Nonong Lenah, Tshidiso Mogatlanyane, Ladyk Gaboutlwelwe, Ogone Soso, Gee Mow Mow, MmaBontsi Wale Buccaneer, Kgalalelo Mothei, Abby Tlhomelang, Mbuqe S Boitshoko, Kelebogile Magdeline, Osiame Ore, Garisto Thabisow

24/10/2024

Mafoko a gompieno

Gopola dingwaga tsa gago le ko o tswang teng ,tseo tsotlhe di tla go thusa go tsaya ditshweetso tseo di agang bophelo ba gago ,tlogela go tshela jaaka motho a sena maikemisetso.

Inspired by Ntate Matlhaku Wa-Motswana .


Goeletsa Moagi-Re lentswe la gago!!!

Address

Mafikeng

Opening Hours

Monday 08:00 - 17:00
Tuesday 08:00 - 17:00
Wednesday 09:00 - 17:00
Thursday 08:00 - 17:00
Friday 08:00 - 16:00

Telephone

+27640995026

Alerts

Be the first to know and let us send you an email when Ratlou Daily News Feed posts news and promotions. Your email address will not be used for any other purpose, and you can unsubscribe at any time.

Contact The Business

Send a message to Ratlou Daily News Feed:

Videos

Share