Klerksdorp News Setswana

  • Home
  • Klerksdorp News Setswana

Klerksdorp News Setswana Dikgang tsa matlosana ka leleme la gago la Setswana, Re sedimosa baagi ka dikgang tsa sesheng, mme l

15/11/2021

Euler’s Guardians appreciation post for successful Maths Olympiad in Jouberton Nov 15, 2021 As the Euler’s Guardians, we say a special thanks to the learners, parents and the community for such great support. We will also like to give special thanks to Principal Alexander for allowing us to use ...

Ai Africa Borwa...motlakase  o simolola gonna maemo a kwa godimo, Leokwane le ya go R19, nama le merogo tlhwatlhwa ya te...
12/08/2021

Ai Africa Borwa...motlakase o simolola gonna maemo a kwa godimo, Leokwane le ya go R19, nama le merogo tlhwatlhwa ya teng eya godimo...

Ai South Africa... electricity getting unaffordable, petrol heading for R19, meat & veg prices sky-rocketing...

KOSH mogaka wa mosadi - Masego Kwenamore one a betelelwa esale ngwana, motshamiki wa madi wa dingwaga dile 15 jaanong ke...
09/08/2021

KOSH mogaka wa mosadi - Masego Kwenamore one a betelelwa esale ngwana, motshamiki wa madi wa dingwaga dile 15 jaanong ke mma kgebo le mokwadi yo rotlwetsang.
KOSH - kopana le Masego Kwenamore.

KOSH phenomenal Women – Masego Kwenamore
She was r***d as a child, was a gambling addict for 15 years and is now an influential businesswoman, motivational speaker and author. KOSH - meet Masego Kwenamore.


Click on the link:
https://www.klerksdorpnews.co.za/kosh-phenomenal-women-masego-kwenamore/

Lefapha la tsa matlotlo a inšorense ya Botlhokatiro (UIF) mo Bokone Bophima le simolotse go fokotsa mela e melele kwa Le...
31/07/2021

Lefapha la tsa matlotlo a inšorense ya Botlhokatiro (UIF) mo Bokone Bophima le simolotse go fokotsa mela e melele kwa Lefapheng la Matlotlo ka go tabogisa di tiriso mo mafelong a maleba.

UIF TARGETS QUEUES IN NORTH WEST, INCLUDING KLERKSDORP Jul 30, 2021 The Department of Employment and Labour’s Unemployment Insurance Fund (UIF) in the North West will from Monday embark on a service delivery drive aimed at reducing long queues at Labour Centres, and to reach out to areas that are ...

Masepala wa Matlosana mmogo le Harmony di kolekisitse  ka diriswa dile 13 tsa ba basenang bokgoni ba go dirisa maoto, le...
31/07/2021

Masepala wa Matlosana mmogo le Harmony di kolekisitse ka diriswa dile 13 tsa ba basenang bokgoni ba go dirisa maoto, le malao a le 125 le dijo ele go tlotla kgwedi ya ga rre Mandela. Rotary Club of Klerksdorp Savf Evanna Tehuis

THE CITY HANDS OVER WHEELCHAIRS AND BLANKETS TO THE NEEDY Jul 30, 2021 Today, 30 July 2021, the City of Matlosana in partnership with the Rotary Club, Harmony and Social Development had two programs of handing over 13 wheelchairs, 125 blankets and food hampers as part of Mandela Month. Wheelchairs a...

Phokotso ya metsi etla tswela pele mo dibakeng tsa ext 1,2,12-17, 22-24 go fitlhela ba bakanyi ba fetsa.
29/07/2021

Phokotso ya metsi etla tswela pele mo dibakeng tsa ext 1,2,12-17, 22-24 go fitlhela ba bakanyi ba fetsa.

For Immediate Release
Thursday, 29 July 2021



The City of Matlosana would like to inform residents of Jouberton Ext 1; 2; 12-17; 22-24 of the unforeseen delay in completing the repairs of the water pipes as scheduled yesterday.

The contractor is busy finalizing the outstanding works which is anticipated to be completed later this evening, however residents will be updated frequently on the developments.

Management apologizes for the inconvenience caused.

Issued by
Communication and Marketing
City of Matlosana

29/07/2021

Tlhwatlhwa ya leokwane go tloga ka 04 Phatwe:
Leokwane la 95: koketso ka disente di le 80 litara
Leokwane la 93: koketso ka disente di le 76 litara
Desele 0.05: koketso ka disente di le 46 litara
Paraffin: koketso ka disente di 47 litara.

KA KOPO GA GO TLHOKEGE BATHO BA SENANG MABAKA MO TOROPONG - GA LE TSHOSEDIWE KA SEPE FELA ELE GO ITLHOKOMELA
27/07/2021

KA KOPO GA GO TLHOKEGE BATHO BA SENANG MABAKA MO TOROPONG - GA LE TSHOSEDIWE KA SEPE FELA ELE GO ITLHOKOMELA

Botshelo go batsha bale bantsi ba ba senang mag*e mo Klerksdorp bo fetogile bothata ba letsatsi le letsatsi mo tshimolog...
27/07/2021

Botshelo go batsha bale bantsi ba ba senang mag*e mo Klerksdorp bo fetogile bothata ba letsatsi le letsatsi mo tshimologong ya twatsi ya Covid-19.
https://www.klerksdorpnews.co.za/local-street-dwellers-feel-like-governement-has-deserted-them-during-covid-19-pandemic/

LOCAL STREET DWELLERS FEEL LIKE GOVERNMENT HAS DESERTED THEM DURING COVID-19 PANDEMIC Jul 27, 2021 While South Africa’s health authorities are ramping up the country’s vaccination programme to contain the spread of the coronavirus, some vulnerable sections of communities seem to have been forgot...

25/07/2021

Labotlhano 23 Phukwi 2021

GO KGAUPEDIWA GWA TSEO YA MATLAKALA


Mmasepala wa Matlosana o rata go itsise baagi ka go kgaupediwa gwa tirelo ya go tsaya matlakala mo kgaolong ya Mmasepala wa Matlosana(KOSH), go kgaupediwa go go tsentswe tirisong go tloga Labotlhano 23 Phukwi 2021, ka ntlha ya gore go kgaupediwa go e se gwa ka boomo e bile go sa bonelwa pele Mmasepala a ka seka a gagamalela go latela Molao.

Mmasepala o eletsa beng ba dintlo le dikgwebo gore ba se ntshetse matlakala kwa ntle go fitlha go dirwa kitsiso e nngwe gape le gore badirisi ba tla itsisitswe gangwe le gape gore go ditirelo di tla boela leng tirisong

Botsamaisi jwa Mmasepala bo rata go ka inelwa mabogo mo metsing ka go sitisega gwa baagi

Kitsiso e gollotswe ke: Lefapha la Tlhaeletsano le Papatso
City of Matlosana

Thabo Pelesane Foundation le balekane ba ketekile letsatsi la Mandela ka tsela ye e kgethegileng ka go ikgapela pelo ya ...
24/07/2021

Thabo Pelesane Foundation le balekane ba ketekile letsatsi la Mandela ka tsela ye e kgethegileng ka go ikgapela pelo ya lekgarebe le le itsagaleng ka Lucky Girl, Lucky Girl o itsagale thata ka go tsamaya a kopa thuso ya matlole mo motseng mme keletso ya gagwe monongwaga e ne e le go itirela moletlo wa go keteka tsatsi la gagwe la matsalo, Lucky Girl o belegwe ka letsatsi le go belegweng mogaka Nelson Mandela.

Letsatsi pele ga letsatsi la Mandela, Rre Thabo Pelesane yo o leng mong wa TP Foundation mme e bile e le moemedi boditšhaba wa bolwetse jwa mafatlha (TB) o ne a rotloediwa ke setlhogo mo lokwalo dikgang la Klerksdorp record ka lelapa le le latlhegetsweng ke ntlo e e neng ya jewa ke molelo, Rre Pelesane o ne a ithaopa go thusa lelapa leo ka dikobo di le tharo jaaka go ne ho le maruru tota, mme o kgonne go thusa malapa a le tlhano mo kgweding ka ntlha ya matsapa a gagwe a a itsegeng thata.

Tirelo ya ga Pelesane e ne ya itseela maele go tswa mo mafokong a ga Rre Antonio Guterres yo e leng mokwaledi-kakaretso wa ditšhaba kopano(UN) fa a ne a re le ke tsatsi le e leng 'tšhono ya go bontsha le go a ananela botshelo le boswa jwa moemedi mogolo yo o itsegeng lefatshe ka bophara wa go lwela gore mongwe le mongwe a nne le serithi, tekatekano,tolamo, le ditshwanelo tsa botho

Letsatsi la Mandela le diretswe gore re ikgopotse botho le boineelo jwa ga Rre Mandela le go mo tlotla ka go thusa ka go ithaopa, go iponagatsha ka go direla le go thusa baagi ka wena. Rre Pelesane o ile romela molaetsa mo mafaratlhatlheng gore ka letsatsi la Mandela o ikemiseditsetse go diragatsa keletso ya ga Lucky Girl, balatedi ba ne ba kgatlwa thata ke kakanyo yeo mme ba neelana ka mosese, mmogo le disiamisa letlalo jalo le jalo

Nngwe ya mabenkele a a itsegeng mo motseng le ne le laleditse Rre Pelesane, ditsala mmogo le lelapa go tla go itumella dijo tsa maitisong, mme Rre Pelesane a bona go le matshwanedi go thusa Lucky Girl, ka go tlhoka lesego go latella molao wa Covid-19 lefelo la Del Albert Cafe le ne le ka kgona fela go amogela batho ba ba mmalwa go tla go keteka mmogo le Lucky Girl jaaka ditsala le mmagwe.

Rre Kodisang Moagi, Brian Saul both lucky mother in their educational speeches ba lopile gore batho ba ba nang le bogole ba tlhoka lerato le tshireletso ya baagi e seng go tlhola ba utsweditswe diaparo tse dintšha jaaka Rre Saul a ne a dira sekai sa Rre Phokela .

Kwa bokgutlong go latella pegelo ya mokwaledi-kakaretso wa UN Rre Pelesane o kaile gore mongwe le mongwe o tshwanelwa ke go nna le serithi le go tlotliwa ga ditshwanelo tsa botho, a na le bogole a se na bone, e le mohumi kgotsa mohumanegi, a rutegile kgotsa a sa rutega. TP FOUNDATION e ikaelela go ka tsaya matsapa a a Mandela day go nna ngwaga le ngwaga segolo bogolo go ka laletsa batho ba ba nang le bogole e le go rotloetsa baagi go ka tsaya batho ba ba nang le bogole tsiya ka dinako tsotlhe.

Rre Phokela mmogo le Lucky Girl

E phabalele sentle,  serame le sefabo se se botlhoko se mo tseleng gape. Kopo, reka sediriswa tsa go thibela serame, hei...
21/07/2021

E phabalele sentle, serame le sefabo se se botlhoko se mo tseleng gape. Kopo, reka sediriswa tsa go thibela serame, heitara ya motlhakase.

MMILA WA N12 LE PHARAKANO Goya ka dikotsi tsa mo mibileng mo bekeng e fedileng,bontsi ba dikotsi go tsenyeletsa le lori ...
21/07/2021

MMILA WA N12 LE PHARAKANO
Goya ka dikotsi tsa mo mibileng mo bekeng e fedileng,bontsi ba dikotsi go tsenyeletsa le lori e ileng ya menoga mo bekeng e fedileng goya ka baitsanape,ke maikemisetso a bone go tsenya matshwao a bonagalang a tsela mo mmileng e megolo go fokotsa dikotsi tsa dijanaga.

Goya ka wa leloko la komiti ebong Molefi Oliphant eleng moagi wa ext 21 le Alabama etla tsaya kgato mo go ntsheng sediko gotlhelele.

(Dinepe tse amogetsweng: senepe 1 - Ba lefapha mo tiragalong mosong o / senepe 2 & 3 - dikotsi tse di fetileng)

Nkoko Maretlwa o gorogile mo lapeng!
20/07/2021

Nkoko Maretlwa o gorogile mo lapeng!

Digongwana tsa motseng wa Jouberton e leng Al Qaeda le Boko Haram di ile tsa ipopa ngatana e le ngwe maitlhomo e le go t...
19/07/2021

Digongwana tsa motseng wa Jouberton e leng Al Qaeda le Boko Haram di ile tsa ipopa ngatana e le ngwe maitlhomo e le go tila go thubiwa ga dikgwebo potlana le dikgwebo di le kgolo mo Jouberton.


https://m.youtube.com/watch?v=cVKosaXEriQ

Two rival groups in Klerksdorp in the North West have set aside their differences to protect their area against looting. This is as Gauteng and KZN have been...

Moithuti wa mono Klerksdorp, Nkosinathi Sibanda, o ne a nna le lesego la go nna le puisano mo lenaneong la moso le moso ...
19/07/2021

Moithuti wa mono Klerksdorp, Nkosinathi Sibanda, o ne a nna le lesego la go nna le puisano mo lenaneong la moso le moso la Morning-Live SABC mo mosong.
Nkosinathi ke motaki yo o tlhagelletseng ka go thala ka pensele e bile o itsege thata mo mafaratlhatlheng mme o kaya fa Cassper Nyovest le Theo Baloyi e le bangwe ba badirisi ba ditirelo tsa gagwe.


https://www.youtube.com/watch?v=eg2PYV9qZao

Nkosinathi Sibanda is a North West-born and bred emerging fine artist whose pencil drawings have tongues wagging across social media platforms.The self-taugh...

Moento wa badiredi botlhe ka kakaretso le baitseanape ba setheo(sector) sa Thuto ya Tlhabololo ya Tshimologo ya Ngwana(E...
19/07/2021

Moento wa badiredi botlhe ka kakaretso le baitseanape ba setheo(sector) sa Thuto ya Tlhabololo ya Tshimologo ya Ngwana(ECD) go ragoga gompieno.

https://www.klerksdorpnews.co.za/vaccinations-for-ecd-sector-kicks-off/

VACCINATIONS FOR ECD SECTOR KICKS OFF Jul 19, 2021 The Department of Social Development will on Monday, 19 July, launch its national vaccine rollout plan for frontline workers in the Early Childhood Development (ECD) sector, including ECD practitioners and staff who work in the environment. The plan...

Go tlhoka tiro ka ntlha ya melwana ya Covid-19 go tloga ka kgwedi ya Mopitlwe 2021 mme e bile o duela Inšorense ya Tatlh...
19/07/2021

Go tlhoka tiro ka ntlha ya melwana ya Covid-19 go tloga ka kgwedi ya Mopitlwe 2021 mme e bile o duela Inšorense ya Tatlhegelotiro o na le tshono ya go tsenya topo mme e bile o ka kgona go duelwa go ya ka Thulaganyo ya Tshegetso ya Bathapi le Badiri ya nakwana (TERS).

https://www.klerksdorpnews.co.za/covid-19-ters-applications-re-open/

COVID-19 TERS APPLICATIONS RE-OPEN Jul 19, 2021 Workers affected by the COVID-19 lockdown regulations since March 2021 will once again be able to claim from the COVID-19 Temporary Employee/Employer Relief Scheme (TERS). This comes after Employment and Labour Minister Thulas Nxesi on Friday signed th...

Sepodisi sa Klerksdorp se mo motlhaleng wa babelaelwa ba le babedi ba ba latofadiwang ka go betelela ngwana wa dingwaga ...
19/07/2021

Sepodisi sa Klerksdorp se mo motlhaleng wa babelaelwa ba le babedi ba ba latofadiwang ka go betelela ngwana wa dingwaga di le 15 kwa motseng wa Jouberton labobedi 13 Phatwe.
https://www.klerksdorpnews.co.za/klerksdorp-fcs-searching-for-two-suspects-who-gang-rape

KLERKSDORP FCS SEARCHING FOR TWO SUSPECTS WHO GANG R***D A MINOR Jul 19, 2021 The Klerksdorp Family Violence, Child Protection and Sexual Offences (FCS) Unit launched a search for two unknown suspects who allegedly gang-r***d a 15-year-old girl at Jouberton on Tuesday,13 July. According to Police Sp...

19/07/2021

🥶 - Baitsianape ba kaya fa go solofetswe botsididi jo bo tsenelletseng mo mafelong a mo bogareng jwa naga go tloga ka Labobedi mme maemo a bosa a solofetswe go nna dipalo tse di kwa tlase ka Laboraro le Labone go nne tsididi thata ka Labone le ka Labotlhano mo mosong go solofetswe serame se se tlhabang marapo

Mafelo a moento mo Bokone-Bophirima.Mo Matlosana:Bookelo Klerksdorp/ Tshepong– 082 566 1146Bookelo West Vaal-  082 564 3...
19/07/2021

Mafelo a moento mo Bokone-Bophirima.

Mo Matlosana:

Bookelo Klerksdorp/ Tshepong– 082 566 1146
Bookelo West Vaal- 082 564 3704
N12 CHC – 082 471 1353
Tliliniki Grace Mokhomo– 078 190 6557
Tliliniki Delekile Khosa – 082 229 9974
Tliliniki Botshabelo Community – 083 785 0416

Please join Klerksdorp News and pray for peace in south Africa
12/07/2021

Please join Klerksdorp News and pray for peace in south Africa

Please join Klerksdorp News and pray for peace in south Africa

07/07/2021

*TSEO YA MATLAKALA*

Motsamaisi Molawa, o netefaditse fa go bonwe dikgetsi di le mmalwa tsa Covid mme badiredi ba Ditirelo Setšhaba mo lefapheng la Tshenyo ba lopilwe go ka itlhaolelela kwa g*e go fitlhela ba nna botoka, seo se raya gore ha go kitla go nna le tseo ya matlakala mo bekeng ye.

Go botlhe ba e leng gore matlakala a bone ga a tswewa gompieno ba lopiwa go busetsa metemo ya matlakala kwa tshimong tsa bone.

Ditebogo go Mokhanselara Ansofie wa mokgatlo wa DA

06/07/2021
05/07/2021

DITSHWAETSO TSA GOMPIENO : 12 513
PALOGOTLHE YA DITSHWAETSO GO TLOGA TSHIMOLOGONG YA PHUKWI: 101 437

05/07/2021

A O TLHOKA THUSO GO IKWADISA? GO IKWADISETSA MOENTO WA COVID-19

*TIRELO YA MAHALA* GO BATHO BA BA SA KGONENG GO IKWADISETSA MOENTO.

Riekie Krause ke yena a ka go letsetsang go go thusa
Romella nomoro ya gago ya mogala ka Tsap-tsap kgotsa SMS go: +27 74 469 3430

Ditebogo go Riekie ka tirelo ye ntle jaana mo baaging!
Kiletso ya tshiamelo ya molao POPI mabapi le setlhopa seno sa Facebook.
Jaaka rotlhe re itse letlha la go ikobela molao wa Tshireletso ya Tshedimosetso ya botho POPI Act 4, wa ngwaga wa 2013 le atametse.
Letlha le le beilweng le tlisa diphetogo jaaka ditlhopa tsa mafaratlhatlha di tshwanetse go ikobela le molao wa POPI.
Nngwe ya diphetogo tse ke gore baokamedi ba tshwanetse go nna le tetla ya gago go nna karolo ya setlhopa kgotsa tsebe ya bone sa mo Facebook, jaaka go le jalo itse gore o na le tshwanelo ya go ka gana go neelana ka tetla e bile o ka nna wa tswa mo setlhopeng seo.

Ha ele gore ha o tswe mo setlhopeng se, seo se ka tsewa jaaka gore o fane ka tetla ya go nna karolo ya setlhopa se le gore tshedimosetso ya gago ya botho(jaaka Pego(profile) ya gago ya Facebook, leina le sefane sa gago, nomoro ya mogala mmogo le aterese) go nna pontsheng go botlhe.

Mabapi le kgang ye, re ne re ikuella gore maloko a setlhopa se go obamela molao wa POPI ka go sa itseele tshedimosetso ya mongwe jaaka dinomoro tsa mogala ntle le go netefatsa gore o bone tletla pele go mongwe wa dinomoro pele o ka di dirisa gongwe go abelana ka tsone.
DITEBOGO!

Tonakgolo ya Bokone-Bophirima Rre Job Mokgoro, o lopile baagi go thusa batsofe go ikwadisetsa go entiwa.     https://www...
02/07/2021

Tonakgolo ya Bokone-Bophirima Rre Job Mokgoro, o lopile baagi go thusa batsofe go ikwadisetsa go entiwa.


https://www.klerksdorpnews.co.za/nw-province-determined-to-vaccinate-all-senior-citizens/

NW PROVINCE DETERMINED TO VACCINATE ALL SENIOR CITIZENS Jul 2, 2021 The North West Provincial Government says it is committed to vaccinating all registered senior citizens in July, as the province tackles the third wave of COVID-19 infections. “We will continue to reach out to these individuals so...

01/07/2021

Badiri ba Supreme Poultry Workers ba isa dingongorego kwa mebileng.

Mebila e tswaletswe jaaka go ne go bonala ditiro tsa botlhokakutlo jaaka badiri ba Country Bird Holdings – e e itsegeng jaaka Supreme Poultry – ba ne ba lebisa dingongorego tsa bone kwa mebileng ya motse wa Tigane kwa toropong ya Hartebeesfontein, mo Mmasepaleng wa Matlosana ka Laboraro 30 Seetebosigo 2021.
Se se latela morago fa mongwe wa badiri a ne a wela fa fatshe, mme moragonyana a tlhokofalela kliniking, mme kgang ye e ne ya baka gore baagi ba Tigane ba shakgale ka maatla mme ba tsenela dingongorego tsa badiri, se se bakileng loso la motswasetlabelo ga se itsiwe go fitlha ga jaana.

Go latela dipegelo badiri mmogo ba muswi le baagi ba tlhoka dikarabo gore se se ka beng se baile loso ke eng e bile go itshela moriti o tsididi le go ba tlodisa matlho ga Setheo se mabapi le go tsenya tirisong maikarabelo a bone a ekonomi-leago.
Go nnile le kopano magareng ga Makhanselara le botsamaisi jwa setheo, mo go tsenya tirisong ga maikarabelo a setheo a ekonomi-leago le dipotso tse ding tse di bakang tlhoba-boroko di ileng tsa tlhagisiwa, go fitlha ga jaana ga go nko ye e tswang lemina mabapi le dipholo tsa kopano ye, le gore a go tla nna le tharabollo.

(Ka Petrus Moshe - Morulaganyi wa Tshiamiso le Kagiso, Klerksdorp Diocese, Kenneth Kaunda, Ngaka Modiri Moleme and Ruth Mompati, and Gauteng (Wedela and Fochville)

KGELELO YA LESWE YE E SA TLHOKOMELWENG E RIPITLA MOTSE WA RONA.Mo koketsong ya borataro ya Jobetina (Jouberton extention...
30/06/2021

KGELELO YA LESWE YE E SA TLHOKOMELWENG E RIPITLA MOTSE WA RONA.

Mo koketsong ya borataro ya Jobetina (Jouberton extention 6) go na le melatswana ya kelelo ya leswe ye e sa feleng go elela kwa mabitleng a maloba, lefa mokhanselara a itse ka kgang yeo.
Mamiki Itumeleng yo e leng Modulasetulo wa setlhopapuisano sa Extension 6 o bega fa a reteletswe ke go gokagana le mokhanselara wa karolo yo e bileng e leng leloko la Mmasepala lefapheng la mafaratlhatlha kwa karolong ya borobedi ya motse.
Baagi ba bone go le botoka go dira lekwalo la dikopo mme morago ga dikgwedi di le pedi ga go nko ye e tswang lemina.
Pinky Molaudi, yo e leng moagi wa karolo ye e amegang, a re se ke morwalo yo o boima thata o sa siamelang boitekanelo mme maemo a a setse a baile dintsho, lefa re ka se senole maina a bafu.

Badiredi-bagolo ba seleg*e ba tshwanetse go lemoswa jaaka kgelelo ya leswe e na le dikgwedi e ntse le elela.
Go tlhokega go tsewe kgato ye maleba le go tsereganya ka ponyo ya leitlho go mekamekana le dikopo tsa baagi ba ba amegang.

- Petrus Moshe
Morulaganyi wa Tshiamiso le Kagiso, Klerksdorp Diocese(Kgaolo ya Kereke), Kenneth Kaunda, Ngaka Modiri Moleme, Ruth Mompati, and Gauteng (Wedela le Fochville)

29/06/2021

GO BONALA FA MMASEPALA WA LEGAE A KA TSWENGWA MO TLASE GA MOLAO.

Motswedi yo o ikanyegang o kaya fa leloko la Lekgotlakhuduthamaga la lefapha la Pusotshwaraganelo, tlamela ka matlo le Merero ya tsa Setso(COGTA) la Bokone-Bophirima Rre Mmoloki Cwaile, o ne a etetse Mmasepala wa Klerksdorp Mosupologo 28 Seetebosigo 2021.

Go lebega fa go na le kgonagalo e kgolo gore Mmasepala wa Matlosana a ka tsengwa mo tlase ga taolo ya molaodi lefa Karolo 139 e ka se tlhotlhelediwe fela.

Karolo 139 ya molaotheo o kaya fa e le gore fa Mmasepala a retelelwa ke go diragatsa boikarabelo jwa tiragatso go ya ka molaotheo kgotsa molao, Lekgotlakhuduthamaga la Porofense(PEC) le ka tsereganya ka go tsaya dikgato tse di maleba go netefatsa tiragatso ya maikarabelo ao.

Sengwe se se tlhobaetsang se se tlhagisitsweng ko kopanong, e ne e le gore a na ye ga se nako ye maleba ya gore Lekgotlakhuduthamaga la Porofense(PEC) le ka tlhotlheletsa karolo 139, jaaka dikgetho tsa seleg*e di atametse.
Go lebega gore, go tla nna le puisano magareng ga maloko a Lekgotlakhuduthamaga kwa phaphosing ya Tonakgolo kwa Mahikeng, baagi ba tla tshwanela ba lete go bona dipholo tsa tsamaiso yeo.



- Petrus Moshe
Justice and Peace Coordinator, Klerksdorp Diocese, Kenneth Kaunda, Ngaka Modiri Moleme, Ruth Mompati, and Gauteng (Wedela and Fochville)

29/06/2021

Go: METSWEDI YA TSHEDIMOSETSO
LETLHA: 29 SEETEBOSIGO 2021

KITSISO FA GO TLA NNA GO KGAUPEDIWA GA TLAMELO YA METSI KA NAKWANA MO METSENG YE E LATELANG: KANANA, ORKNEY, KHUMA, ELLATON AND DAWKINSVILLE

Se ke go sedimosetsa badirisi gore go tla nna le go kgaupediwa ga tlamelo ya metsi ka nakwana mo kgweding ya Phukwi 2021, ka ntlha ya phephafatso le go bolaya-megare ga matangwana jaaka se e le karolo ya lenaneo la ngwaga le ngwaga la phephafatso. Baagi ba metse ye e latelang ba tla itemogelang go kgaupediwa go:

Kanana: Labotlhano, 2 le Labone 8 Phukwi
Orkney: Lamatlhatso 3 Phukwi
Khuma: Mosupologo, 5 Phukwi
Ellaton: Laboraro, 7 Phukwi
Dawkinsville: Lamatlhatso, 10 Phukwi 2021.

Magareng go kgaupediwa go ga tlamelo ya metsi, badirisi ba lopiwa go dirisa metsi ka kelotlhoko mme go itsisi badirisi gore ditanka tsa metsi di tla nne teng go thusa ka tlamelo ya metsi. Mmasepala wa Matlosana o lopa go inelwa mabogo metsing ka ketsaetsego e e ka tsoswang ke bothata jo.


Molaetsa o lokolotswe ke lefapha la Tlhaeletsano le Papatso
City of Matlosana

[TSE DI ROTHISANG] Mookamedi wa maloba wa naga Rre Jacob Zuma o atlholetswe kgwedi di le 15 kwa kgolegelong morago ga go...
29/06/2021

[TSE DI ROTHISANG] Mookamedi wa maloba wa naga Rre Jacob Zuma o atlholetswe kgwedi di le 15 kwa kgolegelong morago ga go bonwa molato ka ntlha ya go nyatsa kgotlatshekelo.

O ikutlwa jang ka kgang ye?

Address


2570

Alerts

Be the first to know and let us send you an email when Klerksdorp News Setswana posts news and promotions. Your email address will not be used for any other purpose, and you can unsubscribe at any time.

Shortcuts

  • Address
  • Alerts
  • Claim ownership or report listing
  • Want your business to be the top-listed Media Company?

Share